Maranatha Global

The Spirit and the bride say, “Come!” – Rev. 22:17


5
Oct

botswana_cutoutBahera 10:19-22 – “Jaano he, ba ga etsho, ere ka re nale phuthologo ka madi a ga Jesu go ka tsena mo felong ga boitshepo ka tsela e e ntsha e e phelang e o e re buletseng go ka ralala lesire, ke gore kanama ya gagwe, e re ka re ebile re nale moperesite yo o o kameng ntlo ya Modimo, are atamaleng le ka dipelo tsa boamaruri, re nale tumelo e e tletseng re kgatshitse dipelo, go tlositswe matswalo re bile re tlhapisitse mebele ka metsi aa phepa.”

Madi a ga Jesu a re naya thata ya go tsena fa pele ga sefathego sa morena. Lefelo le le boitshepo ga se bokao jwa lekaisane la thutafatshe, jaaka gone gontse ka nako ya motlha wa kgolagano e kgologolo. Bontsi jwa baithuti ba dumela gore lokwalo lwa Bahebera ga le bolo go tla morago ga sesole sa Baroma se senya tempele ya bajuta kwa Jerusalema molao o bolela ka boitshepo jwa maitshepo ka bosakhutleng, lefelo le le leng la boamaruri le le boitshepo kwa Morena a ntseng teng godimo ga setulo sa gagwe sa selegodimo. Le fa go ntse jalo “Morena o nna a leteng gongwe le gongwe ka nako tsotlhe” o mongwe gongwe le gongwe mo lebopong gangwe le gape. Jaalo re ka nna fa pele ga sefatlhego sa Morena go sa kgathalesege gore re fa kae- (leba Dipesalome 139:-5-10). Re tsena mo felong la boitshepo le legolo fa re ikgolaganya le sefatlhego sa Modimo. Fa re tsena mo kobamelong kgotsa kabelano nae. Ke sebakanyana se se faphegileng sa go itsanye le mmopi le mmoloki wa rona.

Re ka tsena fa pele ya Morena mo di tirelong tsa dikereke tsa rona kgotsa ka sebaka sa thapelo ya sephiri le kobamelo. Re ka dira se jang? Re tsena fa pele sa gagwe ka madi a ga Jesu re nale tshepo ya go tsena mo felong le legolo le le boitshepo ka madi a ga Jeso. Modimo ke kgosi kgolo ya lebopo lotlhe, Kgosi ya di kgosi le Morena wa marena, re atlamela sedulo sa gagwe ka thato ya ga gagwe e seng ya rona.

Re ka se atlamele fa setilong sa morena ka tshwanelo ya rona. Baebela e papamatsa sentle gore re baleofi ba rotlhe (lebelela, Baroma3:23); Gagona motho ope yo o nang le tshiamo e e lekaneng go tshwanelwa ke botsalano le Modimo. Bogolo, Modimo wa atlolosetsa botsalano jwa one kwa gorona. Jaaka tiro ya maitlwelo bothoko. Se ke bokao jwa “Mautlwelobothoko “ Ga ese fela dielele, ba ba ikgogomosang ka di tumelo ba akanyang gore Modimo o ba kolota sengwe kgotsa Modimo o ka itumediswa ke bone. Re a mogela letlhogonolo la Modimo re bo re tla fa pele ga gagwe ka madi a ga Jeso.

Sekeresete sa se gompieno setlwaela kganelelo mo lefatsheng ka bophara kgotsa makgotla a a itebagantseng mo kobamelong. Bakeresete ba nang le bothale jwa moopelo wa sethopha sa rock ba gogela lesomo la diketekete mo dikonsateng ya dipina tsa kgalaletso ya mmino wa rock” dingwe tsa dipina tsa teng di kwadilwe sentle le gore di dirafadiwa sentle. le fa gontse jalo nako ya kgalaletso ya bakeresete, ba tlhoka selekanyo sa thaka ya tlholego ya madi a Jesu. Mo boemong batho ba kokoana ba galaletsa le go opela, ba ikutlwa okare Jesu o amogela tiro ya ggre ba tsere nako ya bone ya ditogamano tsa bone go mo tlotla. Badumela gore Modimo o tshwanetse go utlwa a phikantswe ke tshiamo ya maikaelelo a bone ka go mo akanyetsa maikaelelo a rona a tshiamo, maikutlo a kgakatsego a rona, le fa ele go ntsha nako ya rona setlhabelo mo ga go kake ga re naya tletla ya go fitlhelela mo lefelong le le boitshepo. se se tla fela ka madi a ga Jesu.

Modiro mongwe wa sethabelo mo kgolaganyong e kgologolo ene ele molao wa kobamelo, go naya Modimo tlotlo ka gone a tshwanelwa ke pako ya rona. Ditshupelo tsa go nna jaana di simolotse mo tshimologong ya setho, ka Kaene le Abele, bo morwa Atamo le Efa, Modimo one a amogela sethabelo sa Abele sa konyana mme a gana sethabelo sa ga Kaene sa di jalo tsa gagwe. (Genesise 4:4-5) Mabaka ke gore Abele o ne a tsaya tsia tiro ya Modimo mme Kaene ene ga a ka adira jaalo. Abele a lemoga ka tumelo a lebile kwa morago tshenolo ya morena ko go Atame le Efa, mme a fetisetsa loso kwa ga Jeso kwa mokgorong ka tumelo Abele a naya Modimo tshupelo e e botoka go nale Kaene, ka tumelo a kaiwa monna wa tshiamo fa Modimo one a bua ka ditlhabelo tsa gagwe. Ka tumelo o santse a bua, le ntswa a sule. (Bahebera11:3) Neo ya ga kaene ele ruri ene ele setlhabelo, mme se ne se tlhoka motswako oo tlhokega wa madi. Tshupelo ya gagwe ya nna sekano sa Phirimisa maiteko a batho le tumelo ya maitirelo ya dirisiwa mo boemong jwa se Modimo a se tlhomileng. Ke ka madi a ga Jesu fela re ka kgonang go atlamela Modimo. Ga gona di paakanyo ka ntlheng ya rona tse di ka dirang. Go tlhe mo Bibeleng, batho ba ne ba naya tshupelo fa batla fa pele gagwe. Tse tsotlhe di supa bolebana le madi a ga Jesu, a e leng gore a feta dineo tse re ka dinayang Modimo.

Re tlhola re simolola kobamelo, jalo he kago tsaya sebaka re kopa madi a ga Jesu mo matshelong a rona, go re tlisa mo bo kopanong le kabalano le Morena. Fa re nale tirisanyo ya kobamelo (Tirelo tsa dikereke, phutlhego le tse dingwe fela jalo) re nna re khubama mmogo ka boingotlo ka motsotsonyana re kopa mo mading a ga Jesu ba rotlhe, pele ga re tswelela ka dipina tsa rona kgalaletso le merapelo. Moya o o boitshepo o senotse gore re tshwanetse go khubama mmogo sebakanyana ntle le tshisimogo le boingotlo, le fa e le gore mo tota go se motshwanong ya ngwao ya bo phirima go mpieno. Ke sebaka sa kilelo go tsena fa pele ga Morena, go tla fa pele ga sedulo sa gagwe, re tlhatswitswe maleo a rona le ketsaetsego, ya le fatshe, nako ngwe le ngwe fa re batla go tswa mo lefatsheng le sebakanyana go nna le nako ya kitsano ya kobamelo le Morena, re simolola ka go kopa madi a ga Jesu. Re ka dira se ka tidimalo, mo dipelong tsa rona, fa ba ba sa dumelang ba re dikaganyetsa ka  so ne sebaka seo (kwa tirong, mo beseng, jalo jalo). Ka ntlha engwe ra ka kopa madi ka go buela kwa godimo, ka boikokobetso le ka bonolo ga re dikaganyeditswe ke badumedi ba ba repelang go bapa le rona.

Re batla go tsena mo lefelong lelegolo le le boitshepo nako tsotlhe fa re kokoana mo dikerekeng kgotsa mo diphuthegong re simolola go kopa madi a ga Jesu. Bokopano jo ke go senya nako, go bua nnete, fa re palelwa ke go tsena fa sefatlhegong sa gagwe le go tla fa pele ga sedulo sa gagwe. Re tlhoka go shafatsa tshegofatso ya madi a ga Jesu mo di pelong tsa rona le matshelong a rona  ka sebakanyana gore re tsene ka tshosologo. “Re nale tshosologo ya go tsena mo lefelong le legolo le le boitshepo ka madi a ga Jesu.”

Translated from How To Enter Through the Blood of Jesus – Hebrews 10:19-22

Have questions or interested in more information on this topic? Please ask a pastor.
Tags : , , , , , , , , , ,
Category : Tswana (Setswana)