A main language of Botswana, as well as South Africa. Many speakers also in Namibia and Zimbabwe. Approximately 4.5 million speakers in all countries.
DINTLHA KGOLO TSE SUPA KA GA MARANATHA
Matheo 24: 46 – “Go sego motlhanka yo etlareng morena wa gagwe atla a mo fitlhele a dira jaalo”.
Fa re soboka dintlha di le supa tse re bonyeng di le bo tlhokwa gore moya o o boitshepo o dire ka kgololesego le ka thata – mogare ga rona e ke meono e le supa e re e tlhokang thata go e amogana le ba bangwe, dintlha tse re dumelang go re di tla dira pharologanyo e kgolo mo kerekeng gongwe setlhopha sa gago. Tsotlhe tse di botlhokwa mme di rulagantswe ka thulagano e ekgethegileng.
Tshenolo ya Lefoko – Re dumela gore thero e tshwanetse go itebaganya le ka fa lefoko la Modimo – go balelwa le kgolagano e kgologolo yotlhe – e senola Jesu le ditiro tsa gagwe tsa poloko mo matshelong a rona. Jesu one a rutla ka se nako ya boruti jwa gagwe fa ane a le mo lefatsheng (Johane 5: 39 lebelela Johane 1:1). Baapostoloi bane ba dirisa Kgolaganyo e Kgologolo ka go kgaphela fatlhoko jaaka kgobokanyo ya mofuta wa boperofiti jwa ga Jesu Keresete. Re bone gore ke one motlhale wa thero ee fepang mewa ya batho ka boamaaruri, jaaka kganetsano ya topo ya megopolo ya bone kgotsa maikutlo a bone. Baebele e bua ka sebele ere “Lokwalo lo a bolaya, mme moya o naya botshelo. “ (2 Bakorantha 3:6), Jalo he ga re ise re ko re itebaganye le ditso, melawana ya diteme kgotsa bokgoni jwa go seka seka ditemana mo thutong ya rona, sekolo se dira gore thero ya semoya e seka ya diragala. Gape re tila”tlhero ya letlotlo”le ya “Kgotlhatso” mofuta wa melaetsa e e tlwaelesegile ga e na mosola mo dikerekeng malatsi a no. Fa Moruti a rera ka tshenolo ya lefoko la Modimo maloko a agola mo se moyeng le moya o o boitshepo o dira ka nonofo mme o bue sentle mo go itshekileng mo gare ga bone.
Ditiro 13:20-22 - Morago ga dilo tseo Modimo wa ba neela baatlhodi go tla go fitlha ka nako ya ga moperofeti samuele 21 go tloga foo batho ba kopa kgosi mme modimo wa ba naya saule morwa Khise wa letso lwa ga Benyamene yoo busitseng dinyaga di le masome mane 40 ya re a sena go mo tlosa wa tlhoma Dafita go nna kgosi ya bone. Wa supa ka ga gagwe ware: Ke bone Dafita morwa Isai monna ka fa pelong ya me yo o tla dirang thato ya me yotlhe.
Fa Morena a simolola tiro mo gare ga rona- mo setlhopheng se se neng sa tla sa itsege Jaaka Maranatha- ntlha ngwe ya dikitso tse dikgolo ene ya nna le baebele e re tshelela ka tsela e ntsha go gaisa pele. Moya wa simolola go re isa go fetisa lekwalo le. Go fetisa go bala mokwalo o fa godimo, go tsenelela kwa teng teng. Molaetsa wa seporofito o o tshotsweng mo polelong ngwe le ngwe le temaneng ngwe le ngwe. Go papametse gore kgolaganyo e kgologolo e ne ya bolelela pele ka ga go tla ga ga Mesiya, Jesu keresete, le tiro ya pholoso le gore a tle a re feletse yone. phutlhololo ya Modimo ya se se dirwang ya pholoso ke setlhogo se se tlhomameng se se penologang mo di temaneng. Tiro ya Modimo ga ntsi e dira kgotlhang le tiro ya motho, go akaretsa maikaelelo sentle a motho a tiro ya tsa tumelo a latelwa ke megopolo le maikaelelo sentle a setho mo boemong jwa thata ya Modimo.
Bahera 10:19-22 – “Jaano he, ba ga etsho, ere ka re nale phuthologo ka madi a ga Jesu go ka tsena mo felong ga boitshepo ka tsela e e ntsha e e phelang e o e re buletseng go ka ralala lesire, ke gore kanama ya gagwe, e re ka re ebile re nale moperesite yo o o kameng ntlo ya Modimo, are atamaleng le ka dipelo tsa boamaruri, re nale tumelo e e tletseng re kgatshitse dipelo, go tlositswe matswalo re bile re tlhapisitse mebele ka metsi aa phepa.”
Madi a ga Jesu a re naya thata ya go tsena fa pele ga sefathego sa morena. Lefelo le le boitshepo ga se bokao jwa lekaisane la thutafatshe, jaaka gone gontse ka nako ya motlha wa kgolagano e kgologolo. Bontsi jwa baithuti ba dumela gore lokwalo lwa Bahebera ga le bolo go tla morago ga sesole sa Baroma se senya tempele ya bajuta kwa Jerusalema molao o bolela ka boitshepo jwa maitshepo ka bosakhutleng, lefelo le le leng la boamaruri le le boitshepo kwa Morena a ntseng teng godimo ga setulo sa gagwe sa selegodimo. Le fa go ntse jalo “Morena o nna a leteng gongwe le gongwe ka nako tsotlhe” o mongwe gongwe le gongwe mo lebopong gangwe le gape. Jaalo re ka nna fa pele ga sefatlhego sa Morena go sa kgathalesege gore re fa kae- (leba Dipesalome 139:-5-10). Re tsena mo felong la boitshepo le legolo fa re ikgolaganya le sefatlhego sa Modimo. Fa re tsena mo kobamelong kgotsa kabelano nae. Ke sebakanyana se se faphegileng sa go itsanye le mmopi le mmoloki wa rona.